Loading Tribute...
Moswi Gabadise Jobeta Ratlhakwana o bonwe ka ngwaga wa 1968-05-02. Ke ngwana wa ga Rre Nicolas Kontse le Mme Sebakanyane Sina Ratlhakwana, o belegetswe mo Madibogo. Ke ngwana wa bo robedi (8) mo le lapeng la bana ba le robedi (8).
O simolotse sekolo ko Kabelo Primary School, o bone lekwalo la gagwe la Marematlou kwa Utlwanang Barolong High School. A tsweletsa dithuto tsa gagwe kwa Azalia College.
O simolotse go dira jaaka Morutabana Kwa Ramabesa Primary School ka ngwaga wa (1994).
Otsene mo nyalong e boitshepo le Annah Ratlhakwana, ba segofadiwa ka bana ba le babedi (2) wa mosimane le wa mosetsana.
O eteletswe pele ke Rre, Mme le bo mogoloe ba le babedi (2). O tlogela bo abuti ba le babedi le bo ausi ba le bararo (3).
O kubugetswe ke bolwetsi ka ngwaga wa 2023. O tlogela lefatshe le le ka kwano ka di 29 January 2026.
Ba ga mamokgapipi wa lewa, tshwene ke naiwa meleng makopong ga ke naiwe. Ke sirelediwa ke leriba tshwene fa diya masimong go etelela tshwenegadi ko pele rotwe e sale ko morago.
ROBALA KA KAGISO MOTSHWENENG!!!
MC: Mr Maine
The funeral service will be conducted in Setswana, with hymns and prayers throughout the ceremony.
Family and friends are invited to join in celebrating the life of Ratlhakwana Gabadise Jobeta.
Dress code: Formal/Semi-formal attire in respectful colors.
Providing compassionate and dignified funeral services. We are honored to serve the Ratlhakwana family during this difficult time.